Kaelo go Setšhaba...
Tekanyetsokabo 2008
Re tla fenya o gola ga ikonomi ya lefatshe go tsamaya ka iketlo gape ga go tsepamo mo dimarak-eng tsa lefatshe. Ga e sale ka 2001 go bonala ikonomi e tlile go nna bokoa tota. Se se tlile go ama ikonomi ya Afrika Borwa. Le fa gontse jalo ikonomi ya rona e na le motheo o o tsepa-meng, madi a setshaba le ona a ntse sentle, go jalwa ga madi go a gola mme ga re lebela pele ikonomi e tlile go gola sentle. Re tlile go fenya.
E setse e le nako e telele ikonomi ya rona e gola jaana. Seno ga re se itse mo dingwageng tse di lekanang le 50. Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng ikonomi e ntse e gola go lekanyediwa go5% ka ngwaga. Go tloga ka 2001 re tlhodile ditiro di le milione o le mongwe.
Ka ntlha ya gore ikonomi e gola ka bonako, le jaaka tiriso ya madi a setshaba e kgatlhisa, tiriso ya madi e godile thata go tloga ka ngwaga wa 2001. Seno se feta kgolo ya ikonomi. Ka jalo madi a mantsi a dirisitswe go reka ditlamelo tsa thuto, maphelo, katlaatlelo-loago, matlo, bopodisi, dipalangwa tsa botlhe, mabala a metshameko, dit-sela le kgolegelo.
Le fa ikonomi e ntse e gola ka seelo se se kwa godimo jaana, re nnile le mathata. Lefatshe la rona le tlhoka batho ba banang le bokgoni, matla a mot-lakase le ona ga a lekane, go pitlagana ga mebila le go tlhaela ga samente. Tsotlhe ke dit-shupo tsa gore ikonomi e gola ka bonako. Mme gore e gole go feta re tshwanetse go jala madi go bona bokgo-ni, mafaratlhatlha, mitshini le didiriswa, mo mebileng le dipalangwa tsa botlhe.
Ka ntlha ya dikgoreletsi tse, le ka ntlha ya tikologo ya lefatshe e e bokoa, ikino-mi ya rona go bonala e tla gola fela kadiperesente tse 4% go ya go 4½% mo dingwageng tse tharo tse di latelang. Kgolo e e bonya ga re e bapanya le ya dingwaga tse tlhano tse di fetileng, mme e santse e le matlhagatlhaga mo lefat-sheng le le jaaka Afrika Borwa. Sa botl-hokwa ke gore re tlile go tswelela pele ka go jala madi re baakanyetsa bokamoso.
Mo dingwageng tse tharo tse di latelang, tekanyet-sokabo ya 2008 e aba madi a mantsi go thusana le maitlhomo a gore madi a phentshene a fitlhelele banna ba ba fa gare ga dingwaga tse 60 le 64, go oketsa ditirelo tsa go fepa bana kwa dikolong, go tlhabolola ditirelo tse dingwe ko dikolong, go tlisa ditirelo tsa metsi le tsa boithusetso, go jala madi mo mafaratlhatlheng a tsa dipalangwa tsa botlhe, go tlhatlhosa tuelo ya barutabana le baoki, go oket-sa lenane basekisi lebomagiseterata, go atolosa dikgolegelo le go rotloetsa batho go dirisa matla a motlakase ka bonontlhotlho, le go rekisa ditswan-tle. Re tshwere phage ka mangana re dira gore mmuso o direle batho botoka le gore re bone boleng mo mading otlhe a a dirisiwang.
Ga re ntse re bona dipholo tse di botoka ka tiriso ya madi a setšhaba le ka go jala madi a mantsi, re ka kgona go godisa ikonomi ya rona ka seelo sa 6%. Re tshwanetse go semelela. Motheo wa ikonomi ya rona o tsepame mme o tsile go bonwa gore o tsepame jang mo dingwageng tse pedi tse di latelang. Ga setšhaba sotlhe sa Afrika Borwa se dira ka natla mme re na le motheo tse di siameng re ka gola ka bonako mme re ka dira phapang mo maphelong a setšhaba sa rona.
Dithulaganyo tsa metshameko ya kgwele ya maoto ya sejana sa lefatshe sa 2010
ithulaganyo tsa Afrika Borwa tsa met-shameko ya kgwele ya dinao di dirwa ka bonako. Re aga mabala a metshameko, dipatlelo a go ikatisa, le mabala a babogedi. Re tlhabolola dipalangwa tsa botlhe. Dilo tsotlhe tse di lebaneng le metshameko e di etswe tlhoko mme di a siamisiwa - motlakase, tsa go gasa metshameko, mo baeti bat la nnang teng, tsa boeti, go bontsha bontle ba diteropo tsa rona. Gape re baakanyetsa sengwe le sengwe se se ka diragalang.
Go simolotswe go agiwa ka 2006. Mabala-magolo a le matlhano o na a tlhabololwa - Johannesburg, Mangaung, Polokwane, Rustenburg le Tshwane. Tiro e e simolotse ka Lwetse 2007.
Go agiwa ga disetediamo tse go tlhola ditiro tse di 170 000 tsa nakwana. Mmuso o ne o abile R8.4 bilione go aga le go tlhabolola disetediamo. Bokhutshwane ba nako bo dirile gore ditshenyegelo di tlhatlhoge ka gore dis-etediamo tse ditshwanetse go siamela metshameko ya Confederations Cup ka Sedimonthole 2008, mme tsa 2010 ka Sedimonthole 2009. Mmuso o bone go le matshwanedi go oketsa madi a ka R1.2 bilione.Se se dirile gore madi otlhe e nne R9.6 bil-ione.
Fa godimo ga fao R9 billion e betswe go thusa ka tsotlhe tse di mabapi le dipalangwa tsa botlhe tse di lebaneng le metshameko e.
Kgodiso ya madi a katlaatleloloago o feta batho ba badimilione di le 12 mo Afrika Borwa ba amogela madi a kat-latleloloago. Madi a a thusa batho ba ba leng mo maemong aa boima jaaka batsofe le bana, bao ba golofetseng le bao bas a kgo-neng go dira. Madi a a leng gone ke phentshene ya batsofe, madi a bana le bao ba itshetlegileng ka madi a.
Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng bana bao ba amogelang madi a katlatleloago ba ntse ba oketsega. Madi a go tlhokomela bana ba dikhutsana le bao ba tswang ko mag-aeng a a dikobo di khutshwane ke ona mokokotla wa matsapa a go tlhokomela botl-he.
Mo ngwageng wa 2008/09 (kete-pedi golo-a robedi/robonngwe) madi otlhe a a tla dirisedi-wang katlatlela-loago a tla okediwa go nna R69 billion (dibilione dile some-a-marataro le borobonngwe), a lekanang le diporesente di le lesome (10 %) tsa tiriso ya madi a puso.
Go tloga ka 1 Moranang maemo a tlile go nna jaana:
Madi ya phentšhene ya batsofe, ya bao ba golofetseng le bao ba tlhokang thuso e tlhatlhogela go R940 go tloga go R870
Ya go tlhokomela bana e tloga go R200 go ya go R210 ka kgwedi go tloga ka 1 Motsheganong 2008 mme e ya go nna R220 ka kgwedi go tloga ka kgwedi ya Diphalane.
Madi a bana bao ba se nang batsadi e tloga go R620 go ya go R650 ka kgwedi
Go dithulaganyo tse dingwe tse dintsi tse di tlhokomelang magae a a kobo dikhutshwane. Bana ba ba amogelang madi a katlaatleloloago ga ba duele madi a sekolo. Bana bao batsadi ba bona ba amogelang madi a mannye le bona ba ka bona tšhono ya go se duele madi a sekolo. Bana botlhe ba ba ka pa tlase ga dingwaga tse thataro ba bona ditirelo tsa pholo kwantle ga tuelo. Batho botlhe ba ba bonang madi a kat-laatleloloago mme ba se na motheo wa itshireletso ya botshelo maphelo ba bona ditirelo tsa pholo kwantle ga tuelo kwa maoke-long a botlhe.
